Moshe wa rona by Sisters of Calvary Catholic Church Choir (Botswana)
Автор: Mathibela Sebothoma
Загружено: 2026-01-27
Просмотров: 73
Описание:
Moshe wa rona o fentse
Baba ba Israele;
Mme re gololesegile:
Dikgole di ole.
Lo opele: aleluya:
Jeso o tsogile.
Duduetsang: Aleluya:
Kwana e rudilwe.
Bakui ba re biletsa
Pololong, khudugong:
Re tlogela lefatshe je,
Re tswe Egepetong.
Re se lelele tshwafatso
Ya puso ya sebe;
Re se boife sekaka,
Re tla se ralala.
Bonang leru ja Morena:
Le tla re gogela
Kwa lefatsheng ja letlotlo;
Re tla le latela.
Jeso, amogela puso
Le boswa jwa gago.
O itseele thata jaanong,
Tlotlo, kgalalelo.
Повторяем попытку...
Доступные форматы для скачивания:
Скачать видео
-
Информация по загрузке: